KHANSELE YA MAINA A MAFELO YA AFORIKA BORWA
DIPONO
KGATISO
BADIRAGATSI MO KHAMERENG
Mokgweetsi o emisa mo Tselafefong gaufi le bakopalefe
MOKGWEETSI
Heela bagaetsho, le lebile kae ?
MOKGWEETSI
ka motlae
MOKOPALEFE wa 1 o lebega a gamaregile. Mokgweetsi o dumisa koloi, mme o tlhabela pele
O lelekisa koloi..Koloi ya ema, mme bakopalefe ba pagama.
A ikutlwa e le sematla fa a tantswe ka potso e
Tota ke bo mang batho ba ba fetolang maina a lefatshe la rona?
Wai, Puso e e fetolaka maina kwa ntle ga labaka lepe. Ruri ke batlile ke tlogelwa ka lebaka la bona! Ga ke rate kgang e!
Lefatshe la rona le tlhoka madi a go aga matlo le go lwantsha AIDS, ... legale, re kola bajanala gore ba se ke batla mo lefatsheng la rona ... mme e bile ga re itse gore re lebile kae.
Ke bo mang batho ba ba fetolang maina a lefatshe la rona, tota!
Mokaloba towe! Go fetola maina ga se ga go kopa go palamisediwa go ya felo gongwe fela. Ke ka boitshupo jwa lefatshe la rona, ditiragalo tsa histori ya lona le boswa!
Re ka babatsa jang lefatshe la rona kwa mafatsheng a boditšhabatšhaba fa re dirisa maina a ditšhaba tse dingwe. Re tshwanetse go phatsimisa naga ya rona boša, ... re itshupe ka botlalo. Re bolelele dinaga tsa kwa moseja gore tota re bo mang!
O lebega a gamaregile le go timela mme a hemela kwa godimo katšhakgalo!
MOKGWEETSI
Go lolamisa maikutlo
O neela Mokopalefe wa 1 khopi ya bukana o bapile nae
Go tsepamisa maina a, a mafelo a rona ke sengwe se se tsholetsang maikutlo ... a ga go jalo?
Bona fa, phetla bukana e, fa o e buisitse, re ka buisana ka temakgang ya yona. Re santse re na le leeto le le leele kwa pele. O na le nako e ntsi go e sekaseka.
DITLOGELWA KA FA TENG
KWA NTLE
KOLOI E TSWELA PELE
KANELO
DIOFISI TSA DIKAGO TSA SELEGAE.
LEBA BATHO BA TSENA MO KAGONG
MAINA A MAFELO KE ENG ?
Ke maina a dilo tsa naga ya rona a tlhago, kgotsa a a itlhametsweng, kgotsa a rulagantswe sešwa ke rona batho, mme a ka ratega kgotsa a se ke a ratega.
KHANSELE YA MAINA A MAFELO YA AFORIKA BORWA (SAGNC) KE ENG ?
SAGNC e tlhomilwe go ya ka Molao wa Maina a Mafelo wa Aforika Borwa (nomoro ya bo 111 wa 1998), setheo se se rweleng boikarabelo jwa go tsepamisa maina a mafelo a Aforika Borwa. Ona o tlhamilwe ke Tona ya Botsweretshi le Setso.
SAGNC e tlhamilwe ke baitseanape ba maina a mafelo, diteme tsa semmuso le setso sa ditiragalo, mmogo le moemedi go tswa porofenseng nngwe le nngwe, baemedi ba Mokaedimogolo wa go a Tsepamisa le Thulaganyo ya Mafatshe, Ofisi ya Poso ya Aforika Borwa, Boto ya Dipuo Tsotlhe tsa Aforika Borwa le ditheo tse dingwe tse di amegang.
Bokwaledi jwa SAGNC bo dira ka Dikomiti tsa Maina a Mafelo tsa Diporofense mme mo legatong la Dipuso Selegae ka Dikomiti tsa Selegae le tsa Dikgaolo. Setshaba se ka kgona go fitlhelela ditheo tse mo dikgaolong tsa sona.
KE MAINA A MAFELO AFE A A AKAREDITSWENG KE
Go e tlhalosa bonolo, ke maina a mafelo otlhe a a mo lefatsheng la rona.
GO RIALO KE MAINA AFE A MAFELO A A SA WELENG MO GO SAGNC ?
Utlwa! Maina a Semolao.
Sekai, leina la lefatshe, maina a diporofense le maina a dipuso selegae, mmogo le mafelo a a laolwang ke dipuso selegae, jaaka mebila, dikago tsa bommasepala, ditikwatikwe tsa marekelo, diphaka le mabitla.
Mme go na le dikago le dipolasa tse e leng tsa beng.
Le setheo sa maina a mafelo se se dirisediwang go kwadisa bong jwa lefatshe, sa Cadastral.
Fela legale, maina otlhe a semmuso a tshwanetse go tsamaelana le maikemisetso a SAGNC.
KE ENG MAINA A MAFELO A TSHWANETSE GO TLHOMAMISIWA?
Batho ka tlwaelo ba teya mafelo a a farologaneng leina le le lengwe kgotsa a utlwale a tshwana, kgotsa, mopeleto wa le lengwe o ka batla o tshwana le wa le le lengwe.
Mme e bile, mo lefatsheng la ditlhopha tsa merafe e e farologaneng jaaka Aforika Borwa, gantsi mafelo a nna le maina a a fetang le le lengwe.
Maemo a, a tlhakanya tlhogo le go kgarakgatsha. Go tila se, maina a mafelo a a tsepamisiwa ke bathati lefatshe ka bophara.
Go botlhokwa go tsepamisiwa maina a, go netefatsa ditiragalo le boitshupo jwa lefatshe, kgwebisano le kgwebo, dipalangwa, ditlhaeletsano, go loga maano a dikgaolo le tikologo, ditirelo tsa setshaba, saense le thekenoloji, ditlhopho le go bala batho, bojanala, dikotsi tsa tlhago le ditirelo tsa go batlisisa le go falosa batho.
TLHOMAMISO E DIRWA JANG ?
SAGNC e amogela dikopo tsotlhe tsa go dumelela maina a mafelo a a laolwang ke yona mme e netefatsa gore go ririsanwe ka botlalo le setšhaba, le gore leina leo le tsamaelana le ditlhokego tsotlhe tsa khansele.
SAGNC ke yona e tsayang tshweetso ya bofelo ka ga mokgwa kgotsa mekgwa ya maina mme e romele dikatlanegiso tsotlhe kwa go Tona.
Fa leina le amogetswe ke Tona, leina leo le tlhomamisitswe.
Jaanong le be le phasaladiwa mo Kuranteng ya Semmuso go nna la semmuso le go itsisiwe.
THULAGANYO E E TSAYA LOBAKA LO LO KANA KANG GO SIMOLOLA KA DIKOPO GO FITLHELA LE AMOGELWA SEMMUSO ?
Khansele e kopana gane ka ngwaga. Ka tiego e bakiwa ke tshedimosetso e e tlhaelang kgotsa e e sa nepagalang mo foromong ya dikopo, bakopi ba lemoge gore tiro ya go tlhomamisa maina e ka nna thulaganyo e telele tota.
Mo nakong ya fa go logwa maano go tshwanetse ga solofelwa go leta lebaka la dikgwedi di le tharo mme difomo tsa dikopo di tladiwe ka botlalo le ka tshwanelo go thibela go leta nako e telele.
Mongwe le mongwe a ka bona diforomo kwa Lefapheng la Botsweretshi le Setso mo websaeteng ya ... www.dac.gov.za, kwa diofising tsa bosetšhaba, tsa diporofense le tsa dikgaolo tse di tshwaraganeng le go tlhomamisa maina a mafelo, kgotsa ba ka dira dikopo ka go etela websaete mo go www.sagns.gov.za.
Pele o tlatsa foromo ya dikopo o tshwanetse go nna kelotlhoko go tila...
Maina a mangwe a a dumeletsweng mafelo a mangwe mo Aforika Borwa;
Maina a mafelo a kwa mafatsheng a mangwe, le maina a dinaga tse dingwe;
Maina a a roganang, a a sa eletsegeng, a a maswe, a thumulano a a ditlhapa, kgotsa a a tlhabisang ditlhong;
Maina a a kgethololang kgotsa a a nyenyefatsang go ya ka lotso, mmala kgotsa bodumedi, bong, botokololo jwa sepolotiki kgotsa maemo a motho mo setshabeng;
Maina a a tlhamilweng ka leina la motho fela, kwa ntle ga la tlaleletso la kakaretso, jaaka serapa (phaka);
Maina a a ka tsewang gore ke a papatso ya kuno nngwe ya kgwebo, ditirelo kgotsa setlamo;
Maina a batho ba ba tshelang ka kakaretso a tshwanetse go tilwa.
SEJANAGA SE A IKETLA & SE PAGOLOLA BAKOPA-LEFE
MOKGWEETSI
Koloi e a ragoga, mme e tlogela bakopalefe fa thoko le letshwao la bone la kwa 'PIETERSBURG..
Ka bobedi ba a nyeba, mme ba retolola boto e e supang leina POLOKWANE, mme ba emisa monwana ya bone go kopa lefe.
Maina a mafelo a a batho a tshwanetse go tsamaelana le maemo a motho yoo. Sekai, go abela lefelo le le sa reng sepe leina la motho yo o tlotlegang mo setšhabeng.
Mme fa go kgonagalang ka teng, go tshwanetse ga bonwa tetla e e kwadilweng go tswa mo mothong yoo kgotsa mo go ba lelapa le bajaboswa, pele leina la gagwe le ka dirisiwa.
Utlwang fa, nna ke fapoga fa, Polokwane e ka nna dikilomitara di le 15 (sometlhano fela) go tswa fa.
Hei, re lebogela go tsamaya le wena!
Ruri! Re a leboga ... Tsamaya sentle.
